KITSISO YA MMUSO
OFISI YA KHOMIŠENE YA TIRELOPUSO
MELAWANA YA GO RARABOLOLA DINGONGOREGO TSA BADIREDIPUSO MO TIRELONGPUSO
Mo go itsisiwe ka tshedimosetso ya kakaretso gore Khomišene ya Tirelopuso go ya ka karolo ya bo 11 ya Molao wa Khomišene ya Tirelopuso, wa 1997 (Molao wa Nomoro ya bo 46 wa 1997), o buisiwa mmogo le karolo ya bo 196 (f) (ii) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1996 (Molao wa Nomoro ya bo 108 wa 1996), e e tlhomileng Melawana e e totobaditsweng mo Mametlelelong ya bo 1.
E e dirilweng le go saenelwa kwa Tshwane mo letsatsing le la bo Somaamabedi tlhano wa Phukwi mo ngwageng wa 2003.
Monnasetulo
Khomišene ya Tirelopuso
MAMETLELELO YA BO 1
A. TLHALOSO
Mo kgatong e, kwa ntle ga fa go tlhalositswe ka mokgwa mongwe:
Khomišene" e tlhalosa Khomišene ya Tirelopuso e e tlhomilweng go ya ka mabaka a karolo ya bo 196 ya Molaotheo;
Molaotheo" o tlhalosa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, wa 1996 (Molao wa Nomoro ya bo 108 wa 1996);
malatsi" a lebisitse mo malatsing a tiro;
bothati jo bo sekasekang dikgotlang" bo tlhalosa bothati jaaka bo tlhalositswe mo karolong ya bo 1 ya Molao wa Tirelopuso wa 1994;
ngongorego" e tlhalosa go se itumele mabapi le kgato ya semmuso kgotsa go ikgatholosiwa ke mothapi tse di amang mothapiwa mo go sa lolamang mo dikgolaganong tsa go thapiwa mo tirong, go sa akarediwe mo go tweng ke go koba modiredi mo tirong ka mabaka a a sa lolamang;
tlhogo ya lefapha" e tlhalosa motho yo o mo tirong ya maemo a a umakilweng mo Mametlelelong ya bo 1, 2 le 3 tsa Molao wa Tirelopuso wa 1994, kgotsa motho yo o tshwareletseng mo maemong ao;
Molao wa Tirelopuso" o tlhalosa Molao wa Tirelopuso wa 1994 (Kgoeletso ya Nomoro ya bo 103 ya 1994);
mokgatlho wa badiri o o amogetsweng" o tlhalosa mekgatlho yotlhe ya badiri e e amogetsweng ke Khansele ya Bogokaganyi jwa go Lwela Ditshwanelo ya Tirelopuso mmogo le mokgatlho mongwe le mongwe o o itumelelang dithata tse di tshwanetseng tsa go ithulaganya mo lefapheng le le rileng;
tharabololo" e tlhalosa go rarabolola ngongorego ka mokgwa o o tla itumedisang mothapiwa yo o ngongoregang;
moemedi" o tlhalosa modirimmogo, moemedi kgotsa motlhankedi wa mokgatlho wa badiri o o amogetsweng;
B. MAIKAELELO LE GO DIRAGADIWA
Maikaelelo a tiro e ya go leba dingongorego ke go diragatsa dikgolagano tse di edileng tsa merero ya badiri le go rarabolola dingongorego mo Tirelongpuso ka go itumedisa maikaelelo a botlhokwa a tiro e, a a leng:
a go ela tlhoko karolo ya bo 196 4 f ii ya Molaotheo e e abelang Khomishene dithata tsa go batlisisa dingongorego tsa bathapiwa ba mo Tirelongpuso mabapi le dikgato tsa semmuso kgotsa go ikgatholosiwa semmuso, le go atlanegisa ditharabololo tse di tshwanetseng;
b go diragatsa karolo ya bo 11 ya Molao wa Khomišene ya Tirelopuso, wa 1997 Molao wa Nomoro ya bo 46 wa 1997, o o abelang Khomišene dithata tsa go tlhama Melawana ya go rarabolola dingongorego;
c go rotloetsa -
i go rarabolola dingongorego ka bonako, ka go se tseye letlhakore lepe le ka mokgwa o o lekalekanang;
ii dikgolagano tse di edileng tsa merero ya badiri;
iii go rarabolola dingongorego tsa mothapiwa mo legatong le le kwa tlase ka fa go kgonegang ka teng mo lefapheng.
C. MOKGWA WA GO KGONA GO SEKASEKA NGONGOREGO
Ngongorego e tshwanetse ka fa go kgonegang ka teng ya rarabololwa ke mothapi go tsamaelana le modi wa yona ka fa go kgonegang ka teng.
Mothapi o tshwanetse go netefatsa gore ngongorego e rarabololwa ka mokgwa o o lolameng, wa go se tseye letlhakore lepe le ka mokgwa o o lekalekanang, le gore moono wa molao le tolamo tsa tlhago di a obamelwa.
Mokgwa o e rarabololwang ka ona o tshwanetse wa nna wa go thusa le go kgontsha mothapi le mothapiwa go rarabolola go se itumele.
Ga go mothapiwa ope yo o tshwanetseng go gatelelwa le go lomelediwa, e ka nna ka tlhamalalo kgotsa ka mokgwa o mongwe fela o sele, ka ntlha ya fa a begile ngongorego.
Fa go tsewa dikgato tsa go kgalema mothapiwa, go diragatsa mokgwa o ke mothapiwa go rarabolola morero ofe kgotsa ofe o o tsamaelanang le dikgato tsa go kgalema ga di a tshwanela go kganela dikgato tse tsa go kgalema.
Ngongorego e tshwanetse go begiwa ka go kwalwa mme ditshweetso tsotlhe tse di tsewang ka nako ya go e rarabolola di tshwanetse go kwalwa.
Mothapiwa a ka thusiwa ke moemedi.
D. GO TSHEGETSA DITEKANYETSO TSA NAKO
Go sweetsa selekanyetso sa nako, se se tshwanetse go balelwa ka go se balele letsatsi la ntlha fela go akarediwe letsatsi la bofelo.
Matlhakore ka bobedi a tshwanetse go tsamaelana le selekanyetso sa nako e e beilweng mo tirong e, kwa ntle ga fa go dumallanwe mmogo go atolosa nako.
Mothapiwa o tshwanetse go tlhagisa ngongorego go mothapi mo pakeng ya malatsi a le 90 go tswa mo letlheng le mothapiwa a lemogileng kgato ya semmuso kgotsa go ikgatolosa ga semmuso mo go amang mothapiwa ka mokgwa o o sa tshwanelang.
Mothapiwa a ka kopa gore ngongorego ya gagwe e romelwe kwa Khomisheneng mo pakeng ya malatsi a le 10, morago ga go amogela tshweetso ya bothati jo bo diragatsang.
E. GO ABA TSHEDIMOSETSO
Mothapi o tshwanetse, fa a kopiwa, go abela mothapiwa tshedimosetso e e maleba le e e tlhokegang gore a kgone go bega kgotsa go latela ngongorego ya gagwe.
Go abiwa ga tshedimosetso ya mofuta o, go tsamaelana le ditekanyetso tse di dumeletsweng semolao.
Mothapiwa o tshwanetse go abelwa tshedimosetso ka ga maemo a ngongorego le dikgato tse di tsewang mabapi le go konosetsa letlha le le rulagantsweng la bofelo.
Mothapi o tshwanetse go abela mothapiwa khophi ya foromo ya ngongorego morago ga fa kgato nngwe le nngwe e e tshwanetseng ya bothati jwa go sekaseka ngongorego e.
F. DIKGATO TSA LEFAPHA TSA GO RARABOLOLA NGONGOREGO
Mothapiwa a ka bega ngongorego ya gagwe mo mothapiweng yo mongwe yo o supilweng go sekaseka morero wa go rarabolola ngongorego mo teng ga lefapha.
Foromo e e laetsweng e e mo Mametlelelong ya A e tshwanetse go dirisiwa fa ngongorego e begiwa.
Mothapiwa yo o supilweng o tshwanetse go ikgolaganya le bothati jo bo tshwanetseng jwa mo lefapheng ka maikaelelo a go rarabolola ngongorego.
Ngongorego e ka rarabololwa ke motho mongwe le mongwe yo o rweleng boikarabelo jwa bothati e bile a na le bothati jo bo maleba go e rarabolola.
Mothapiwa yo o ngongoregang o tshwanetse go sedimosediwa ka tshwanelo ke mothapiwa yo o supilweng ka ga maemo le dikgato tse di tsewang tsa go rarabolola ngongorego.
Fa ngongorego e rarabolotswe ka mokgwa o o itumedisang mothapiwa yo o ngongoregang, bonnete jwa se bo tshwanetse go dirwa ka go kwala ke mothapiwa yo o supilweng.
Fa ngongorego e sa kgonege go rarabololwa, bothati jo bo sekasekang se, bo tshwanetse go itsise mothapiwa yo o ngongoregang ka fa go tshwanetseng ka teng.
Lefapha (go akarediwa le bothati jo bo sekasekang dikgotlang) le na le paka ya malatsi a le 30 go rarabolola ngongorego eo. Paka e e ka nna ya atolosiwa ka tumallano ya matlhakore ka bobedi, ka go kwalwa.
Morago ga fa mothapiwa yo o ngongoregang a sena go itsisiwe ka ditlamorago tsa ka fa maemo a ngongorego a tsamaileng ka teng, mme a sala a sa itumela:-
a o tshwanetse go itsise bothati jo bo sekasekang dikgotlang ka go kwala mo pakeng ya malatsi a le 10;
b bothati jo bo sekasekang dikgotlang bo tshwanetse gore go ya ka mabaka a karolo ya bo 35 1 ya Molao wa Khomišene ya Tirelopuso, wa 1994, jwa fetisetsa ngongorego le dikwalwa tsotlhe tse di tsamaisanang le yona go Khomišene ya Tirelopuso go tlhagisa katlanegiso ya yona mo pakeng ya malatsi a le matlhano, fa e sena go begelwa ke mothapiwa yo o ngongoregang.
Fa ngongorego e theegile mo go se go thweng ke mokgwa o o sa lolamang wa merero ya badiri jaaka o tlhalositswe mo Molaong wa Merero ya Dikgolagano tsa Badiri, wa 1995, mothapiwa a ka itsise bothati jo bo sekasekang dikgotlang ka go kwala, gore o eletsa go dirisa mefuta e mengwe ya go rarabolola ngongorego e e tlhamilweng mo molaotheong wa Khansele ya Bogokaganyi jwa go Lwela Ditshwanelo ya Tirelopuso kgotsa lekala le le lebaganeng la khansele (go tswa gore ke efe e e maleba), le gore Khomishene ya Tirelopuso, ka jalo, ga ya tshwanela go sekaseka ngongorego eo.
Fa tsotlhe di padile mo ntlheng ya lefapha go arabela ngongorego mo pakeng ya nako e e umakilweng mo Molawanang wa bo F8, motlhankedi yo o ngongoregang a ka tlhagisa ngongorego ya gagwe go:-
a Khomišene ka tlhamalalo; kgotsa b mo lebakeng la se go tweng ke mokgwa o o sa lolamang wa merero ya badiri, go Khansele ya Bogokaganyi jwa go Lwela Ditshwanelo ya Tirelopuso kgotsa le lekala le le maleba la khansele go tswa gore ke efe e e maleba go ya ka mabaka a yona a tsamaiso ya go rarabolola dingongorego.
G. GO LEBISA MERERO KWA KHOMIŠENENG
Fa Khomišene e amogetse tshedimosetso yotlhe go tswa mo bothating jo bo sekasekang dikgotlang, e tshwanetse gore mo pakeng ya malatsi a le 30 ya sekaseka ngongorego ya go nna jalo le go itsise bothati jo bo e sekasekang ka ga dikatlanegiso tsa yona le mabaka a tshweetso ya yona ka go kwala.
Fa bo se na go amogela dikatlanegiso tsa Khomišene, bothati jo bo sekasekang dikgotlang bo tshwanetse gore, mo pakeng ya malatsi a le matlhano, jwa itsise mothapiwa le Khomišene ka ga tshweetso ya jona ka go kwala.
H. DINGONGOREGO TSA DITLHOGO TSA LEFAPHA
Fa tlhogo ya lefapha e na le ngongorego, e tshwanetse gore mo lebakeng la:-
a tlhogo ya lefapha la bosetšhaba, ya itsise Moporesidente ka ga ngongorego eo; kgotsa b tlhogo ya lefapha la porofense, e tshwanetse go bega ngongorego kwa go Tonakgolo e e tshwanetseng.
Moporesidente kgotsa Tonakgolo e na le paka ya malatsi a le 30 go rarabolola ngongorego eo. Paka e, e ka nna ya atolosiwa ka tumallano ya matlhakore ka bobedi.
Melawana ya bo F9 le wa bo 10, fa e buisiwa mmogo le diphetogo tse di laelwang ka diteng tsa tsona, e diragadiwa mo dingongoregong tsotlhe tsa ditlhogo tsa mafapha.
I. GO LEKANYETSA
Tlhogo ya lefapha e tshwanetse go netefatsa gore tharabololo ya dingongorego e a lekanyediwa ka go tshola direkoto tsa palo ya dingongorego tse di rarabolotsweng mo tshimologong ya ngwaga mongwe le mongwe le go begela Khomišene mo pakeng ya nako ya dikgwedi di le thataro.
Khomišene e tshwanetse go bega ka ga merero ya go sekaseka dingongorego le bokgoni jwa mekgwa ya go rarabolola dingongorego kwa Kgotlatheomolaong ya Palamente ya Bosetšhaba, bonnye gangwe ka ngwaga, mme mo mabakeng a ditiro tsa Diporofense, kwa kgotlatheomolaong ya Porofense eo.
J. MEKGWA E MENGWE
Fa ngongorego e begilwe go ya ka mabaka a mokgwa o wa go dira, bathapiwa botlhe ba ba ngongoregang ba tshwanetse ba bega mo pepeneneng gore a ba tla dirisa mokgwa o kgotsa o mongwe fela o sele.
K. MEKGWA E MENGWE YA GO FETOLELA
Ngongorego e e begilweng pele go tlhamiwa Melawana ya Kgabaganyetso, ke gore pele ga di 1 Phukwi wa 1999, e tla sekasekwa le go konosediwa fela jaaka e kete Melawana ya Tirelopuso ga e ise e phimolwe.
Ngongorego e e begilweng pele go tlhamiwa melawana e ya go rarabolola dingongorego, e tshwanetse go rarabololwa le go konosediwa go ya ka mabaka a Melawana ya Kgabaganyetso ya go rarabolola Dingongorego e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso ya Nomoro ya bo 20231, ya 1999.
L. LETLHA LA GO SIMOLOLA
Letlha la go simolola ga Melawana e, go tsamaelana le ditshiamelo tsa Molawana wa K, ke di 19 Lwetse 2000.
Mametlelelo ya A
FOROMO YA GO TLHAGISA NGONGOREGO
TSWEETSWEE BUISA DITAELO TSE DI LATELANG PELE O TLATSA FOROMO
Foromo e e tshwanetse go dirisiwa go tlhagisa ngongorego (go sa akarediwe se go thweng ke mokgwa o o sa lolamang wa go koba mothapiwa mo tirong), fa o sa itumelela dikgato tsa semmuso kgotsa go tlogela sengwe, mme e bile o sa kgona go rarabolola bothata bope ka go dirisa ditherisano tse e seng tsa semmuso.
O tshwanetse go tlhagisa ngongorego ya gago mo pakeng ya malatsi a le 90 go tswa mo letlheng le o lemogileng dikgato tsa semmuso ka lona kgotsa go tlogetswe sengwe, le tse di go amileng ka mokgwa o o sa siamang.
O ka thusiwa ke, kgotsa wa emelwa ke modirimmogo kgotsa moemedi kgotsa motlhankedi go tswa kwa mokgatlhong wa badiri o o amogetsweng.
Go botlhokwa go tlatsa tshedimosetso yotlhe ka mokgwa o o nepagetseng. Fa foromo e tladitswe, e tshwanetse go fiwa mothapiwa yo o supilweng go tsamaisa tshekatsheko ya ngongorego mo setheong sa lona. Lefapha le tla mamaretsa foromo e mo dikwalong tsotlhe tsa ngongorego mme e tla dirisediwa dikgato tsotlhe tsa go sekaseka ngongorego.
Mo kgatong nngwe le nngwe mo motho yo o nang le bothati a lekang go rarabolola ngongorego, letlhakore lengwe le lengwe le tla tlatsa karolo e e maleba ya foromo e. O tla fiwa tšhono ya go arabela tshwaelo nngwe le nngwe.
Fa go konoseditswe kgato nngwe le nngwe ya mokgwa wa go sekaseka ngongorego, lefapha le tla go abela khophi ya foromo e e tladitsweng.
Fa ngongorego e rarabolotswe, ga go tlhokege gore o tlaletse foromo go ya pele. Karolo ya Merero ya Badiri mo lefapheng la lona e tla tsenya foromo mo faeleng. Yona e tla dirisediwa go bega dipalopalo kwa Khomišeneng ya Tirelopuso ngwaga le ngwaga.
Go tlhokega gore o tlatse Dikarolo tsa A le ya B tsa foromo e, mme o e neye mothapiwa yo o supilweng yo o sekasekang merero ya ngongorego kwa setheong sa lona. Mothapiwa o tla tsenya go saena ga gagwe mo karolong e e fa tlase ga karolo ya B ya foromo go supa gore ngongorego e amogetswe. Netefatsa gore o amogela khophi ya foromo mo go supiwang gore ngongorego ya gago e amogetswe.
Karolo ya C ya foromo e tla tladiwa ke mothapi le wena ka sebele mo tsamaong ya dikgato tse di farologaneng mo go tla diriwang maiteko a go rarabolola ngongorego.
KAROLO YA A: DINTLHA TSA MOTHO KA SEBELE
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa yo o ngongoregang:
Ditlhaka tsa Maina le Sefane : ...
Nomoro ya Mothapiwa : ...
Lefapha le le mo thapileng : ...
Bokaedi : ...
Maemo / Seemo mo Tirong : ...
Letlha le o lemogileng dikgato tsa semmuso kgotsa go ikgatholosa sengwe : ...
Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le wena mo go tsona Nomoro ya Mogala:... Nomoro ya Fekese: ...
Leina la moemedi (fa a le teng) : ...
Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le moemedi mo go tsona Nomoro ya Mogala:... Nomoro ya Fekese:...
Leina la Mokgatlho wa Badiri fa o le teng : ...
Dinomoro tse go ka ikgolaganngwang le
Mokgatlho wa Badiri mo go tsona Nomoro ya Mogala: Nomoro ya Fekese:...
KAROLO YA B: DINTLHA TSA NGONGOREGO
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa yo o ngongoregang:
O ngongoregela eng? Fa lefelo le le fa tlase le sa lekana, tsweetswee mamaretsa tsebe ditsebe tse dingwe:
O tshisinya tharabololo ya mofuta mang?
MOTHAPIWA LETLHA
Fa re netefatsa gore re amogetse foromo ya ngongorego e bile re file mothapiwa yo o ngongoregang khophi
MOTHAPIWA YO O SUPILWENG LETLHA
Leina:
Maemo a mo Tirong:
KAROLO YA C: THARABOLOLO YA NGONGOREGO: DIKGATO
DINTLHA:
Karolo e ya foromo e dira ditshiamelo tsa dikgato tse di farologaneng tsa go leka go rarabolola kgotlang. Fela legale, ga go dikgato tse di laetsweng ka totobalo tsa go rarabolola ngongorego. Go ya ka mabaka a a rileng, tsebe kgotsa ditsebe tse di fa tlase di tlhoka go tladiwa.
Fa go sa kgonege go rarabolola ngongorego go fitlhela kwa legatong la tlhogo ya lefapha, e tshwanetse go fetisediwa kwa bothating jo bo sekasekang dikgotlang, (ke gore; tsebe e e fa tlase e ka totobalo e lebisang go bothati jo bo rarabololang dikgotlang, e tshwanetse go tladiwa).
Ngongorego e tshwanetse go sekasekiwa mo dikgatong tsotlhe tse di tlhokegang (go akarediwa le bothati jo bo sekasekang dikgotlang), mo pakeng ya malatsi a le 30, kwa ntle ga fa paka eo e atolositswe ka tumallano le mothapiwa yo o ngongoregang.
Karolo ya C e a tswelediwa
KGATO : MOTHAPIWA YO O SUPILWENG ...
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa yo o supilweng:
Leina : ...
Maemo a mo Tirong : ...
Nomoro ya Mogala : ...
Nomoro ya Fekese : ...
A ngongorego e rarabolotswe ? Ee [ ] Nnyaa [ ]
Fa karabo e le ee, tlhagisa dintlha tsa tumallano (fa lefelo le le fa tlase le sa lekana, tsweetswee mamaretsa tsebe (ditsebe) tsa tlaleletso).
E SAENNWE KE: ...
MOTHAPIWA YO O SUPILWENG LETLHA
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa:
A ngongorego e rarabolotswe ? Ee [ ] Nnyaa [ ]
A o na le se o batlang go se tshwaela ?
MOTHAPIWA LETLHA
Karolo ya C e a tswelediwa
KGATO : BOTHATI JO BO SEKASEKANG DIKGOTLANG
E tshwanetse go tladiwa ke bothati jo bo sekasekang dikgotlang
Tlhaloso mabapi le ngongorego le mabaka a tshweetso e e tserweng Fa lefelo le le fa tlase le sa lekana, tsweetswee mamaretsa tsebe ditsebe tsa tlaleletso 
BOTHATI JO BO SEKASEKANG DIKGOTLANG
LETLHA
E tshwanetse go tladiwa ke mothapiwa yo o ngongoregang
A ngongorego e rarabolotswe? Ee [ ] Nnyaa [ ]
Fa e sa rarabololwa, tsweetswee tlhalosa gore ke eng o sa itumela:
MOTHAPIWA LETLHA
A o batla gore ngongorego e fetisediwe go Khomišene ya Tirelopuso? Ee [ ] Nnyaa [ ]
Nomoro ya bo 25209
